SE UTSWITSWE,
FA O SE REKA...
BATLHOKOFATSWA BA BANTSI BA TLA SOTLEGA
GANA GO REKA MME O BEGE DITHOTO TSE DI UTSWITSWENG
Se O ka se dirang go beeletsa mo Aforika Borwa o o bolokesegileng ... "Gana go reka mme o Bege Dithoto tse di Utswitsweng"
Bosenyi jwa thoto jo bo jaaka bogodu, go thuba mo mabentleleng, go phamola dibeke/diselefounu le bogodu go tswa mo dikoloing di baka kutlobotlhoko le botlhoki jo bo sa tlhokegeng. Go reka dithoto tse di bonweng ka mokgwa o o seng ka fa molaong , go rotloetsa disenyi go ipoeletsa.
SE LETLE GORE BATLHOKOFADIWA BA BANTSI BA SOTLEGE.
v SE REKE dithoto tse di utswitsweng.
v E re NNYAA ka dithoto tse di utswitsweng.
v Fitlha selefounu ya gago KA METLHA fa o tsamaya mo mmileng.
v O SE KA wa tlogela selefounu ya gago e sa tlhokomelwa mo mafelong a setšhaba.
v O SE KA wa tlogela dilotlolo tsa gago di lekeletse mo kgorong. Go bonolo go dira dinotlolo tsa sebedi go tsena bonolo mo ntlong ya gago moragonyana.
Ga go a bolokesega go tlogela dilotlolo kwa ntle, e ka nna ka fa tlase ga mmetse kgotsa ka fa ngkgwaneng ya ditšheše.
v Fa o rekile dilwana tsa boiketlo, gagolela mabokoso mo dipolasetiking tse ntsho - lebokoso le le tshwailweng ke sesupo sa seo magodu a ka se fitlhelang mo ntlong ya gago.
v O SE KA wa reka dilwana tse dintle tse di bontshiwang ka go iphitlha mo mebileng. Thekiso e e lolameng ga e dirwe ka tsela eo.
v O SE KA wa reka mefuta ya dinkgamonate, diaparo kgotsa dithoto dingwe le dingwe tse di tlhwatlhwagodimo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase go tswa mo barekising ba ba belaetsang.
v O SE KA wa tlogela dilotlolo tsa koloi ya gago mo koloing, le fa e ka nna disekonto di se kaenyana fela.
v O SE KA wa tlogela dilwana tse di botlhokwa mo seting ya koloi. Bogolo di tsenye mo butung ya koloi.
v Nna KELOTLHOKO fa o apere dibenyane tse di tlhwatlhwagodimo kgotsa fa o tshotse didiriswa tse di tlhwatlhwagodimo.
v O SE KA wa tshola sepatšhe sa gago sa madi mo kgetsaneng e e ka fa morago ya borokgwe kgotsa wa tlogela beke ya gago e sa tlhokomelwa.
A rotlhe re tswaleleng mmaraka wa dithoto tse di utswitsweng. Ke bosenyi, mme bo a otlhaelwa semolao - go ntse fela jalo le ka go amogela dithoto tse di utswitsweng. GANA, MME O BEGELE sepodisi dithoto dingwe le dingwe tse o belaelang di ka tswa di utswitswe. A rotlhe re kgaoleng ketane ya bosenyi mme re beeletse mo Aforika Borwa o o bolokesegileng.
GANA MME O BEGE DITHOTO TSE DI UTSWITSWENG! LETSETSA KHUTLISA BOSENYI KWA 08600 10111
